
Setshwantsho: Barutwana ba le bantsi ba tsenetse letsatsi la pulo
Ka REGINALD KANYANE
8 Diphalane 2026 – Taung Agricultural College e letse e ngoketse barutwana ba Grade 9 go fitlha go Grade 12 ba le sekete le makgolo a mabedi le masome a matlhano kwa letsatsing la yone la Pulo le Tlhagiso ya Ditshono tsa Ditiro. Palo eno e feta gararo palo ya barutwana ba le 400 ba koleje e neng e ba solofetse go tsenela tiragalong eo.
Tiragalo eno ya ngwaga le ngwaga e ne e ikaelela go itsise barutwana ka ditshono tse di leng teng mo temo-thuong le go ba naya tshedimosetso ka ga mokgwa wa go dira kopo kwa kolejeng.
Mogokgo wa koleje, Dr Karabo Mabe, a re palo e kgolo eo ya barutwana e bontsha kgatlhego e e tsweletseng go gola ya basha mo lphateng la temothuo.
“Re ne re solofetse barutwana ba le 400. Palo e e tlileng e feta se re neng re se solofetse. Gompieno re fitlhile kwa palong ya barutwana ba le sekete le makgolo a mabedi le masome a matlhano ba ba tlileng.
“Mabe a re kholeje e dirisitse tiragalo eno go rotloetsa baithuti go tsaya temothuo jaaka tiro, fa gape ba newa tshedimosetso ka ditshono tse di kgethegileng tse di leng teng kwa setheong seo,” Mabe wa tlhalosa.
Taung Agricultural College ke nngwe ya dikholeje di le pedi tsa temothuo mo Bokone Bophirima, mme e nngwe e kwa Potchefstroom. Mo dikholejeng di le 11 tsa temothuo mo Aforika Borwa, Taung ke yone fela e e neelang dithuto tsa Diploma in Agriculture in Irrigation.
Mabe a re thuto eno e botlhokwa segolobogolo ka ntlha ya tlhokego ya metsi mo nageng. Mabe are naga e tlhoka dijo, mme ba lemiruo ba netefatsa gore ba tswelela ka tsireletsego ya dijo le go lwantsha le khumanego.
“Lenaneo leno le ruta baithuti ka selekanyo sa metsi se se tlhokwang ke dijalo tse di farologaneng, mmogo le ka fa tiriso ya metsi e tshwanetseng go laolwa ka teng go ya ka dinako le dipaka tse di farologaneng, gore tlhagiso e tokafale.
“Re rotloetsa barutwana ba ba sa kgonang go nna teng mo tiragalong ya Laboraro gore le bone ba akanye ka go dira kopo mo kholejeng, mme letsatsi la pulo le tlhagiso ya ditshono tsa ditiro le tshwarwa ngwaga le ngwaga,” Mabe wa tlhalosa.
Botlhokwa jwa temothuo bo gateletswe gape ke Sarah Makhoba wa Lefapha la Bosetšhaba la Temothuo, yo a reng tiragalo eno e ikaelela go gogela baithuti ba le bantsi kwa Taung Agricultural College, fa gape e ba thusa go tlhaloganya botegeniki le bophara jwa lekala la temothuo. Makhoba a re tiragalo eno e ne e ikaeletse gape go bontsha botlhokwa jwa temothuo le kafa lekala leno le amang matshelo a batho ka teng letsatsi le letsatsi.
Thembile Keohitlhetse, yo e kileng ya bo e le moithuti kwa kholejeng eno, mme ga jaana a direla Lefapha la Temothuo la Kapa Bokone, a re go boela kwa kholejeng eno go ya go bua ka yone e ne e le sengwe se se botlhokwa mo go ene. Keohitlhetse are dingwaga tse tharo tse a di feditseng kwa kholejeng e, e ne e le tse di molemo thata mo botshelong jwa gagwe, mme tsotlhe tse a di fitlheletseng morago ga moo di agilwe mo motheong wa kholeje.
“Ke tshetse dingwaga tse tharo tse di monate thata mo botshelong jwa me mo kholejeng eno. Sengwe le sengwe se ke se fitlheletseng morago ga moo se bakilwe ke motheo o ke o neilweng ke kholeje eno,” ga rialo Keohitlhetse.
Dikopo tsa barutwana ba ba batlang go tsena mo kholejeng di tswalwa ka bokhutlong jwa kgwedi ya Diphalane. Bakopi ba tshwanetse go bo ba falotse serutwa sa English ka Level 4, Mathematics ka Level 3 kgotsa Mathematical Literacy ka Level 4.
Mabe a re molaetsa wa kholeje mo basheng o tlhamaletse: “Tshwetso e e siameng e ba tshwanetseng go e tsaya jaanong ke go ithuta temothuo.”














































